Tlola o ye mo diteng
DikaiBula setseleganyi ↗

pebaEKonyilwe

→ mouseClicked()

E tsamaya gangwe morago ga fa konopo ya peba e tobeditswe mme e bo e gololwa.

tiro pebaEKonyilwe() { ... }

Tlhoma pebaEKonyilwe jaaka tiro ka tiro. E tsamaya morago ga pebaEGolotswe — ke yona e e rayang tobetso e e feletseng: go ya tlase le go boela kwa godimo.

konya, e seng tobetsa. Setswana se dirisa lefoko le le lengwe, tobetsa, mo mafokong a mabedi a Seesemane: press le click. Bopa e kgaoganya ka konya — go kgoma o bo o tlosa — gonne go na le ditiragalo tse pedi tse di farologaneng: pebaETobeditswe fa konopo e ya tlase fela, mme pebaEKonyilwe fa tobetso e feletse. Go konya ke go tobetsa le go golola konopo ya peba gangwe — e leng se pebaEKonyilwe se se se rayang tota.

Mo founong, monwana o dira tiro ya peba. Se se dira gore leina le nne le boammaaruri go feta: go konya ke go kgoma sekerini ka monwana mme o bo o o tlosa — e leng tsela e tona ya go dirisa thama mo Botswana.

Mo elementeng, dirisa dirisaMoGo(e, pebaEKonyilwe, tiroYaMe) go baya tiro ya go konya. maaka e e tlosa.

Konopo e e balang dikonyo
diri palo = 0;

tiro setaLoeto() {
  thalaKanefase(400, 240);
  tlhalosa('Khutlonne e e mo bogareng le palo e e okelediwang nako nngwe le nngwe fa e konyiwa.');
}

tiro tshwantsha() {
  bokamorago(238);
  tlogelaMothalo();
  tlatsaMmala(80, 150, 200);
  thalaKhutlonne(130, 70, 140, 70);

  tlatsaMmala(255);
  bogoloJwaMokwalo(28);
  rulaganyaMokwalo(BOGARE);
  thalaMokwalo(palo, 200, 115);
}

tiro pebaEKonyilwe() {
  fa (pebaX > 130 && pebaX < 270 && pebaY > 70 && pebaY < 140) {
    palo = palo + 1;
  }
}

pebaETobeditswe, pebaEGolotswe, pebaEKonyilweGabedi