log
→ log()E busa logarithm ya tlholego ya palo — motheo ke **e**, e seng 10.
log(palo)log e botsa potso e le nngwe: e e tshwanetse go tsholediwa go ya maemong afe gore e nne palo e? Ka jalo log(exp(3)) ke 3, mme log(1) ke 0.
Ela tlhoko: motheo ke e, e seng 10. Fa o kile wa ithuta “log” mo tlelaseng, gantsi o ne o bua ka motheo wa 10. log ya fano ga se yona eo. Fa o batla motheo wa 10, kwala log(n) / log(10).
log e batla palo e e kwa godimo ga 0. log(0) e busa -Infinity, mme log(-1) e busa NaN.
Ela tlhoko gape gore log ga se kwala. kwala ke yona e e romelang mafoko kwa lefelong la dipego; log ke tiro ya dipalo e e busang palo.
Leina le sala jaaka le ntse. “Logarithm” ga le tlhagelele mo dithutong tsa dipalo tsa JCE le tsa BGCSE, mme ga go na lefoko la Setswana le le dirisiwang mo tlelaseng.
Diparamethara
Karolo e e bidiwang “Diparamethara”| Leina | Mofuta | Tlhaloso |
|---|---|---|
palo | palo | Palo e e kwa godimo ga 0. |
tiro setaLoeto() {
thalaKanefase(400, 400);
bokamorago(22, 26, 36);
tlogelaMothalo();
metlha dipalo = [1, 5, 20, 90, 400, 1800, 9000];
gopheta (diri i = 0; i < 7; i = i + 1) {
metlha p = dipalo[i];
// Ka tolamo, palo ya bofelo e ne e tla tswela kwa ntle ga kanefase.
// log e e busetsa mo teng — 9000 e nna mothalo o motelele fela.
metlha bogodimo = lekanyetsa(log(p), 0, log(9000), 12, 300);
tlatsaMmala(80 + i * 22, 170, 230 - i * 20);
thalaKhutlonne(28 + i * 52, 350 - bogodimo, 34, bogodimo);
kwala(p);
}
}tiro setaLoeto() {
thalaKanefase(400, 400);
bokamorago(242);
// Tiro nngwe e menola e nngwe
kwala(log(exp(3)));
kwala(exp(log(3)));
boketeMothalo(2);
// Mothalo wa log — o gola ka bonya fa o ya kwa ntle
mothaloMmala(60, 130, 210);
gopheta (diri x = 1; x < 380; x = x + 3) {
thalaNtlha(x + 10, 340 - log(x) * 50);
}
// Mothalo wa exp — o tlolela kwa godimo
mothaloMmala(230, 140, 80);
gopheta (diri x = 0; x < 200; x = x + 2) {
thalaNtlha(x + 10, 340 - exp(x * 0.03) * 8);
}
}