balaDiphikisele
→ loadPixels()E bala ntlha nngwe le nngwe ya kanefase mo lenaneong `diphikisele`.
balaDiphikisele()Kanefase e dirilwe ka dintlha tse dinnye tse di bidiwang diphikisele. balaDiphikisele e di bala tsotlhe mo lenaneong le le bidiwang diphikisele, gore o kgone go di leba kgotsa go di fetola ka bonako.
Lenaneo ke le letelele: ntlha nngwe le nngwe e tsaya manno a mane — khibidu, tala jwa tlhaga, tala jwa loapi, le go bonala. Ka jalo boleele jwa lona ke bophara × boleele × 4. Go lekantswe mo kanefaseng ya 200×200: balaLenaane(diphikisele) ke 160000.
Fa o fetola dipalo mo lenaneong, kanefase ga e fetoge go fitlha o bitsa ntshwafatsaDiphikisele.
Ga e a tlhokega pele ga
tlhotlhakgotsammalaWaPhikisele. Di ipalela. E tlhokega fela fa o batla go dirisa lenaneodiphikiseleka bolona.
⚠ Ke tiro e e bokete. Poapoeletso e e ralalang diphikisele tsotlhe tsa kanefase e kgolo e ka fokotsa lebelo la ditshwantsho.
tiro setaLoeto() {
thalaKanefase(200, 120);
bokamorago(245);
diri kgomo = letela tlisaSetshwantsho('kgomo.png');
thalaSetshwantsho(kgomo, 20, 0, 120, 120);
balaDiphikisele();
gopheta (diri i = 0; i < balaLenaane(diphikisele); i = i + 4) {
diri palogare = (diphikisele[i] + diphikisele[i + 1] + diphikisele[i + 2]) / 3;
diphikisele[i] = palogare;
diphikisele[i + 1] = palogare;
diphikisele[i + 2] = palogare;
}
ntshwafatsaDiphikisele();
tlhalosa('Setshwantsho sa kgomo se se fetotsweng go nna sa boputswa ka go bala ntlha nngwe le nngwe.');
}Bona gape
Karolo e e bidiwang “Bona gape”ntshwafatsaDiphikisele, diphikisele, mmalaWaPhikisele, tlatsaPhikisele