Tlola o ye mo diteng
DikaiBula setseleganyi ↗

pebaESutile

→ mouseMoved()

E tsamaya fa peba e sutisiwa go se na konopo e e tshwerweng.

tiro pebaESutile() { ... }

Tlhoma pebaESutile jaaka tiro ka tiro. E tsamaya fa peba e sutisiwa mme go se na konopo e e tobeditsweng — fa konopo e tobeditswe, ke pebaEGogilwe e e tsamayang mo boemong jwa yona.

Ke yona e e dirang dilo tse di arabelang peba o sa tobetse: konopo e e fetolang mmala fa peba e le mo godimo ga yona, kgotsa moriti o o latelang letshwao.

suta, e seng tshikinyega. tshikinyega mo Setswaneng se se tlwaelegileng se raya go roroma. Bopa e tsaya suta — lefoko le le bonolo la go sutisa, le le setseng le le mo puong jaaka SUTA, khesara e e rayang se se ka sutisiwang.

Mo founong ga go na tiragalo e e tshwanang le yona. Monwana ga o tsamaye mo sekerining o sa se kgome, ka jalo pebaESutile ke ya khomphiutha e e nang le peba fela.

Sediko se se golang fa peba e atamela
diri bogolo = 40;

tiro setaLoeto() {
  thalaKanefase(400, 260);
  tlhalosa('Sediko se se mo bogareng se se golang fa peba e le gaufi le sona.');
}

tiro tshwantsha() {
  bokamorago(236);
  tlogelaMothalo();
  tlatsaMmala(90, 160, 210);
  thalaSediko(200, 130, bogolo);
}

tiro pebaESutile() {
  metlha kgakala = sekgala(pebaX, pebaY, 200, 130);
  bogolo = lekanyetsa(thibela(kgakala, 0, 200), 0, 200, 150, 30);
}

pebaEGogilwe, pebaX, pebaY, phetogoYaPebaX