Tlola o ye mo diteng
DikaiBula setseleganyi ↗

ntlhana

→ vertex()

E tsenya ntlhana e le nngwe mo popegong e o e agang.

ntlhana(x, y)

ntlhana(x, y) e bolela lefelo la sekhutlo se sengwe sa popego ya gago. E dirisiwa fa gare ga simololaPopego le feleletsaPopego, mme dintlhana di golaganngwa ka tatelano e o di tsentseng ka yona.

Ga e thale sepe ka bo yona. Ke leina la selo — sekhutlo se se tsenngwang mo lenaneong — e seng taelo ya go thala. Mothalo o o bonalang o tla fa feleletsaPopego e bitswa. Ke gone leina la yona le sa simololeng ka thala, fa thalaNtlha yona e thala ntlha e le nngwe mo kanefaseng ka bonako.

ntlhana ke ntlha e nnye. Buka ya dipalo ya Setswana ya ngwaga wa ntlha e botsa ngwana: “Kwala dipalo tsa dintlhana ka fa tlase ga popego nngwe le nngwe” — bala dintlhana tsa popego. Ke lona lefoko leo.

⚠ E dira fa gare ga simololaPopego le feleletsaPopego fela. Fa o e bitsa kwa ntle ga tsona mo thameng e ntšhwa, e latlha phoso e e sa balegeng: “Cannot read properties of undefined”. Fa o setse o thadile popego pele, ga e latlhe phoso — mme ntlhana ya gago e a latlhega, e sa bonale. Se se lekantswe.

LeinaMofutaTlhaloso
xpaloKhoutinete ya x ya ntlhana.
ypaloKhoutinete ya y ya ntlhana.
Thaba e e thadilweng ka dintlhana
tiro setaLoeto() {
  thalaKanefase(400, 240);
  bokamorago(180, 210, 240);
  tlogelaMothalo();
  tlatsaMmala(70, 100, 90);

  simololaPopego();
  ntlhana(0, 240);
  ntlhana(60, 150);
  ntlhana(120, 190);
  ntlhana(200, 70);
  ntlhana(280, 170);
  ntlhana(340, 120);
  ntlhana(400, 240);
  feleletsaPopego(TSWALA);

  tlhalosa('Setshwantsho sa dithaba tse ditalatala mo bokamoragong jwa loapi jo bo bofefo.');
}

simololaPopego, feleletsaPopego, thalaNtlha, ntlhanaBezier, ntlhanaKonego