Tlola o ye mo diteng
DikaiBula setseleganyi ↗

sin

→ sin()

E busa sine ya sekhutlo — palo e e retologang magareng ga -1 le 1.

sin(sekhutlo)

Fa sekhutlo se gola, sin e tsamaya go tswa go 0 go ya go 1, go boela go 0, go ya go -1, go boela go 0 — mme e boeletsa jalo ka go sa khutleng. Ke lekhubu.

Ke yona e e dirang mmetla mo Bopa: fa o naya sin sekhutlo se se golang, e go naya makhubu, dikwete le makopo, o sa dirise translate kgotsa rotate gope.

Sediko ka sin le cos. Ntlha e nngwe le nngwe mo sedikong e ka balwa jaana:

x = fagare + cos(sekhutlo) * bogolwane y = fagare + sin(sekhutlo) * bogolwane

Ka tlwaelo sekhutlo se balwa ka diradiane, ka jalo go dikologa go go feletseng ke PEDI_PI. Fa o batla go bala ka dikirii, bitsa seeloSaSekhutlo(DEGREES) pele.

Leina le sala jaaka le ntse. “Sine” ke lefoko le moithuti wa Botswana a le kwalang mo pampiring ya tlhatlhobo ya BGCSE, ka Seesemane — thuto ya sine, cosine and tangent ratios e tlhagelela mo thutong ya BGCSE ka Seesemane fela, mme ga go na lefoko la Setswana le le dirisiwang mo boemong jwa lona.

LeinaMofutaTlhaloso
sekhutlopaloSekhutlo, ka diradiane ka tlwaelo, kgotsa ka dikirii fa seeloSaSekhutlo(DEGREES) e beilwe.
Lekhubu le le thadilweng ka dintlha
tiro setaLoeto() {
  thalaKanefase(400, 400);
  bokamorago(18, 22, 34);
  tlogelaMothalo();

  gopheta (diri x = 0; x < 400; x = x + 4) {
    // sin e busa -1..1, e lekanyediwa mo bogodimong jwa kanefase
    metlha lekhubu = sin(x * 0.03);
    metlha y = 200 + lekhubu * 120;

    tlatsaMmala(lekanyetsa(lekhubu, -1, 1, 60, 250), 150, 220);
    thalaSediko(x, y, 10);
  }
}
Makhubu a mararo a a lekanyediwang
tiro setaLoeto() {
  thalaKanefase(400, 400);
  bokamorago(245);
  boketeMothalo(2);

  metlha bogolo = [40, 70, 100];
  metlha lebelo = [0.08, 0.04, 0.02];

  gopheta (diri m = 0; m < 3; m = m + 1) {
    mothaloMmala(60 + m * 70, 130 + m * 30, 220 - m * 50);

    gopheta (diri x = 0; x < 400; x = x + 2) {
      metlha y = 110 + m * 90 + sin(x * lebelo[m]) * bogolo[m];
      thalaNtlha(x, y);
    }
  }
}

cos, tan, asin, seeloSaSekhutlo, PEDI_PI