HARD_LIGHT
→ HARD_LIGHT`OVERLAY` e menotswe — mmala o mosha ke ona o o swetsang.
HARD_LIGHTHARD_LIGHT e kopanya ATISA le SCREEN fela jaaka OVERLAY, mme se se laolang ke mmala o mosha o o thalang ka ona, e seng o o setseng o le mo kanefaseng. Fa mmala o mosha o le lefifi, karolo eo e lefifadiwa; fa o bonesegile, e bonesediwa.
Se se lekantswe: (100, 150, 200) mo godimo ga (200, 100, 50) o naya (157, 127, 166) — bapisa le (188, 118, 79) tse OVERLAY e di nayang mo dipalong tse di tshwanang.
Leina le sala ka Sekgoa, mme le sala mmogo le la SOFT_LIGHT: ga go na hard light le soft light mo go epe ya metswedi ya Setswana e e dirisitsweng, mme fa go ne go fetolelwa e le nngwe fela, lelapa le ne le tla kgaogana.
tiro setaLoeto() {
thalaKanefase(400, 200);
bokamorago(150, 150, 150);
tlogelaMothalo();
seeloSaMotswako(HARD_LIGHT);
tlatsaMmala(40, 40, 40);
thalaKhutlonne(40, 40, 150, 120);
tlatsaMmala(220, 220, 220);
thalaKhutlonne(210, 40, 150, 120);
seeloSaMotswako(MOTSWAKO);
tlhalosa('Dikhutlonne tse pedi mo bokamoragong jwa boputswa: e e ntsho e lefifatsa karolo ya yona, e e sesweu e e bonesa.');
}